Lephata la Merero ya Metsi le Dikgwale ntshitse Togamaano e e Akantshiwang ya Naga Malebana le Metswedi ya Metsigore batho ba Afrika Borwa ba akgele ka yone.
Togamaano ya Naga Malebana le Metswedi ya Metsi e tlhalosa ditsela tse metswedi ya metsi mo Afrika e tla sirelediwang, e dirisiwang, e tlhabololwang, e somarelwang, e tsamaisiwang le go laolwa ka teng.
Ka gonne Togamaano eno e ka nna ya ama tsela e rotlhe re dirisang metsi ka yone le go a tsaya e le a a botlhokwa, go botlhokwa gore batho ba akgele ka Togamaano eno e e Akantshiwang.
KE KA NTLHAYANG FA RE TLHOKA TOGAMAANO?
Metsi a a tshedisa. A nosetsa masimo a balemi; a nosetsa dijalo ebile a nosa leruo la batho ba metse-selegae; a naya boitlosobodutu; a tshegetsa go dirwa ga motlakase wa rona, ditoropo tsa rona le metse-setoropo, meepo ya rona, madirelo a rona le ditlhare le diphologolo tse e leng bontlhanngwe jwa boswa jwa rona jwa tlholego.
Metsi a a ka ikanngwang, a a siameng go nowa, metsi a go tsamaisa leswe le a go boloka bophepa le metsi a go godisa dijalo a botlhokwa thata go namola khumanego mo Afrika Borweng. Go tlhabololwa ga metse-selegae le go ntshafadiwa ga metse-setoropo ka bobedi go ikaegile ka metsi gore go fitlhelelwe mekgele eo.
Boikarabelo jwa konokono jwa Lephata la Merero ya Metsi le Dikgwa ke go tlhomamisa gore metsi a a lekaneng a boleng jo bo space dumelelwang a teng go kgotsofatsa ditlhoko tsa batho le go tshegetsa tlhabololo ya merero ya itsholelo le ya batho.
Lefa go ntse jalo, Afrika Borwa ke naga ya komelelo. Ga rena metsi a a kalo. Palo ya batho ba rona e golela pele. Go na le tlhokego e e ntseng e oketsega ya tlhabololo ya metse-setoropo le ya itsholelo le tlhokego e e oketsegang ka metlha ya metsi. Ka nako e e tshwanang, ditiro tsa batho di baka kgotlelo ya tikologo le mathata a boleng jwa metsi.
Jaaka naga fela, re ka se kgone go lwantshana fela le mathata a boleng jwa metsi le go tlhokega ga metsi jaaka a ntse a tlhaga. Re tlhoka leano le le rulaganeng la nako e telele go emelana le dikgwetlho tseno, le go bontsha kafa Mo-Afrika Borwa mongwe le mongwe a ka nnang le seabe ka gone. Seno ke boikaelelo jwa Togamaano ya Naga Malebana le Metswedi ya Metsi.
A TOGAMAANO YA NAGA MALEBANA LE METSWEDI YA METSI E TSAMAISANA LE MOLAO-MOTHEO WA AFRIKA BORWA
Molao-motheo ke molao wa naga o o kwa Agenda 21 le
Ditumalano Tse dingwe Molao-theo godimo go feta yotlhe. Melao yotlhe e mengwe tsa Meraferafe e tshwanetse go tsamaisanngwa le Molao-motheo.
Molawana wa Naga
Molao-motheo wa re mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go nna le dijo tse di lekaneng le metsi le gore mongwe le mongwe o na le
Molawana le Melao Molao-tlamo wa tshwanelo ya go nna mo tikologong e e sa kakeng Molao-tlamo wa Metsi Ditirelo tsa Metsi e e Beilweng wa Nagaya gobatsa botsogo jwa gagwe kgotsa go tshela Ya Naga Malebana (Molao-tlamo 36 wa 1990) (Molao-tlmo 108 wa 1997) sentle. Le Tikologo
Gape Afrika Borwa e saenne Agenda 21, e e leng leano la dinaga la tlhabololo e e ka tshegediwang ka nako e telele. TOGAMAANO YA NAGA MALEBANA LE METSWEDI YA METSI
Togamaano ya Togamaano ya Poloko ya Metsi leMolao-motheo le Agenda 21 di ne tsa kaela Metswedi Tiriso ya Metsi Togamaano Malebana le Molawana wa Naga wa Metsi o mosha wa 1997. Le Tshireletso Go Batliwa ga One
Molawana ono o tlhalosa kafa metsi a tla laolwang sentle ka teng le go abiwa go ya ka mekgwa ya Tiragatso Tiragatso Tiragatso rona e mesha jaaka morafe.
Go dira gore molawana wa metsi o dirisiwe, go Tlhomiwa ga Mekgatlho ya go Disa le yane ga kwalwa Melao-tlamo e mesha e mebedi Tlhotlhwa ya metsi go Laola Metsi Tshedimosetso mme ya saenwa gore e nne molao:
Molao-tlamo wa Metsi wa Naga (Molao-tlamo Tiragatso Tiragatso Tiragatso 36 wa 1998)
Molao-tlamo o o dirisana le tsamaiso ya Ditogmaano
Pabalesego metswedi ya metsi. Boikaelelo ja one ke go ya Batho Tse Dingwe tse di Thusangtlhomamisa gore go tla nna le metsi a ditlhokotsa motheo tsa batho le a tlhabololo ya itsholelomo nakong eno le mo isagweng. Togamaano Tiragatso Tiragatso Tiragatsoya Naga Malebana le Metswedi ya Metsi edirisana le karolo eno ya tsamaiso ya metsi. TSHWARELELO KELOTHLHOKO TEKATEKANO
Molao-Tlamo wa Ditirelo tsa Metsi (Molao-Setshwantsho 1. Molao-motheo wa Afrika Borwa le Agenda 21 tlamo 108 wa 1997) di ne tsa kaela Molawana wa Naga wa Metsi wa 1997. Molawana
Molao-tlamo ono o naya batho tshwanelo ya oo o ne wa re fa ponelo-pele ya bokamoso jo bo botoka mo tiriso ya motheo ya metsi le go tsamaisiwa ga Afrika Borwa. Molao-tlamo wa Naga wa Metsi wa 1998 o ne wa leswe. O dirisana le kafa bao ba tlamelang re naya didirisiwa tsa semolao tsa go fitlhelela ponelo-pele eo. ka metsi, jaaka makgotla a metsi le Togamaano ya Naga Malebana le Metswedi ya Metsi ke bommasepala ba nayang metsi ao a dirisiwang thulaganyo ya naga ya go diragatsa ponelo-pele eo.
mo malapeng le mo madirelong.
Togamaano ya Naga Malebana le Metswedi ya Metsi ga e dirisane le dikgang tse. Go na le thulaganyo e sele ya go naya batho metsi le go tsamaisiwa ga leswe. Ditsela tse balaodi ba mafelo ba tla tlamelang badirisi ba metsi ka ditirelo tsa metsi ka teng di tla tlhalosiwa mo Maanong a Tlhabololo ya Ditirelo tsa Metsi a bolaodi bongwe le bongwe jwa ditirelo tsa metsi bo tshwanetseng go a rulaganya.
GO FAROLOGANE JANG LE NAKO E E FETILENG?
Molawana wa rona wa metsi le Molao-tlamo wa Naga wa Metsi e bontsha gore metsi a tla laolwa le go abiwa ka tsela e e farologaneng mo nakong e e tlang:
Metsi ke motswedi wa tlholego. Ke a batho botlhe ba Afrika Borwa. Lephata leno le tshwanetse go tlhokomelela batho botlhe ba Afrika Borwa motswedi ono (metsi le tikologo ya one).
Tshwanelo e le yosi e batho ba nang le yone ka metsi ke ya ditlhokego tsa bone tsa motheo (ka sekai, go apaya, go nwa le go iphepafatsa) le ya tikologo. Seno se bidiwa "Raseboa" mo Molao-tlamong wa Naga wa Metsi. Lephata leno le ka aba metsi morago ga metsi a Raseboa a sena go beelwa kwa thoko fela.
Molao-tlamo wa re batho ba tshwanetse go tsaya karolo mo bolaoding jwa metswedi ya metsi. Go laolwa ga metswedi ya metsi ga go na go nna kalo. Go dira seno, Molao-tlamo o dirile gore go nne le makgotla a batho ba ka tsayang karolo kwa go one.
Metswedi ya metsi e tla laolwa e sa kgaoganngwa. Dinoka, matamo, megobe, naga e e dikologileng, metsi a a kafa tlase ga lefatshe, gammogo le ditiro tsa batho tseo di e amang, tsotlhe di tla laolwa e le tikologo e le nngwe fela.
BOEMO JWA METSWEDI YA METSI MO AFRIKA BORWA
KE ENG GOMPIENO?
A re na le metsi a a lekaneng?
Afrika Borwa ke naga ya komelelo. Selekanyokakaretso sa sa rona sa pula e ka nna 450 mm ka ngwaga. Seno se kwa tlase thata ga selekanyo-kakaretso sa lefatshe se e ka nnang 860 mm ka ngwaga. Go na ga pula go farologana fela thata ngwaga le ngwaga. Gape naga e tshabelelwa ke komelelo.
Dinoka tsa Afrika Borwa di dinnye thata fa di bapisiwa le dinoka tsa dinaga tse dingwe. Noka ya Orange e na le metsi a a ka nnang 10% fela ya metsi a a leng mo Nokeng ya Zambezi. Metsi a a mo dinokeng tsotlhe tsa Afrika Borwa fa a kopantswe a kwa tlase ga a Nokeng ya Zambezi. Gape dinoka tse dintsi tsa rona tse dikgolo, tse di tshwanang le ya Orange/Senqu le ya Limpopo, di fetela le mo dinageng tse dingwe tse di dirisang metsi a dinoka tseno.
Tshekatsheko e e dirilweng ke Lephata leno e bontsha gore mafelo a taolo a le 11 mo go a le 19 (bona Setshwantsho 3) mo nageng eno a na le bothata jwa metsi. Mo mafelong a, batho ba dirisa metsi a mantsi thata mo tikologo e imelwang thata, mme badirisi ba bangwe ba metsi ga ba kgone go bona karolo ya bone e e lekaneng ya metsi.
Metsi a a kwa tlase a botlhokwa thata mo mafelong a metse-selegae, mme, Afrika Borwa e na le metsi a a kwa tlase a dipetse a sekae a a ka diriwang ka selekanyo se segolo.
A metsi a rona a siame?
Ga se metsi otlhe a rona a a siameng. Mangwe a one a kgotletswe. Letsatsi lengwe le lengwe, go kgabaganya naga, mekgatlho le batho ba ama oleng jwa metsi mo dinokeng tsa rona le dinokaneng, metsi a rona a kwa tlase le megobe ya rona. Le batho ba ba dirisang metsi mo gae ba ama boleng jwa metsi ka go tshololela dipente, dioli kgotsa dilo tse dingwe tse
Mathata a magolo a boleng jwa metsi mo Afrika Borwa a bakwa ke metsi a a leswe a a tswang kwa madirelong le kwa meepong, mo menontshaneng ya temo, ke kgogolo ya mmu, leswe le le tswang mo matlong, matlakala a a sa latlhiweng le ditiro tse dingwe tse dintsi. Dilo tseno di baka mathata a boleng jwa metsi a a tshwanang le metsi a a letswai, metsi a a nang le asiti, go kgotlelwa ke ditshidi-nyana le go kgotlelwa ke dilo tse di nang le botlhole. Kgotlelo ya metsi e baka mathata a mantsi. Ka sekai, ditshidinyana tse di tsenang mo metsing ka matlakala a a sa latlhiweng di ka baka bolwets jwa kholera, jo bo ka bolayang batho. Gape, go phepafatsa metsi a a kgotletsweng mo a ka boelang a dirisiwa gape go ja madi a mantsi, mo go rayang gore batho ba tshwanela go duela madi a a oketsegileng a metsi. ya kgona ya tilwa.
A re dirisa metsi sentle?
Mo e ka nnang 60% ya metsi otlhe a a mo nageng eno a dirisiwa mo temong go nosetsa. Metsi a a diriswang mo matlong le mo toropong e ka nna 11% mme meepo le madirelo a mangwe a magolo a dirisa 8%. Masimo a dikgwa tsa kgwebo a dirisa 8%. Maphata mangwe a itsholelo a a tshwanang le go dirwa ga motlakase a dirisa metsi a mannye go godisa letseno la madi la naga le batho ba yone (se se bidiwang Gross Domestic Product kgotsa GDP). Gape a direla batho ba le bantsi ditiro. Maphata a mangwe a a tshwanang le go nosediwa ga temo go dirisa metsi a mantsi ka madi a a kwa tlase le bahiriwa ba ba seng bantsi.
Setshwantsho 3. Afrika Borwa e kgaogantswe ka Mafelo a Taolo ya Metsi a le 19 (Kitsiso ya Puso No. 1160, October 1999) Elatlhoko gore Lefelo la Taolo ya Metsi lengwe le lengwe le na le nomoro. A le lesome le bongwe a mafelo ano a na le metsi a a kwa tlase ga a a tlhokegang.
METSWEDI YA METSI E TLA LAOLWA JANG MO
NAKONG E E TLANG?
Melao-metheo ya taolo ya metsi
Re tshwanetse go dirisa metsi ka botlhale. Melao-metheo e le meraro ya konokono ya Molawana wa Metsi wa rona le Molao-tlamo wa Naga wa Metsi e kaela sengwe le sengwe se re se dirang go laola metsi:
Tshegetso. Seno se raya gore re tshwanetse go dirisa metsi go rotloetsa tlhabololo ya batho le ya itsholelo mme, ka nako e e tshwanang, re tshwanetse go sireletsa tikologo ka gonne metsi a rona a tswa mo tikologong. Fa go na le tekatekano e e siameng gareng ga go dirisa metswedi ya metsi le go e sireletsa, go raya gore re ka kgona go kgotsofatsa ditlhokafalo tsa rona tsa metsi gammogo le ditlhokafalo tsa bana ba rona, le bana ba bana ba rona.
Tekatekano. Seno se raya gore moagi mongwe le mongwe wa naga o tshwanetse go kgona go bona metsi le go a dirisa. Ditshwetso tse di dirwang mabapi le go aba metsi di tshwanetse go bontsha seno.
Kelotlhoko. Seno se raya gore re tshwanetse go tlhomamisa gore metsi ga a senngwe. Metsi a tshwanetse go dirisiwa go solegela rona molemo thata le itsholelo ya rona ka mo go ka kgonegang.
Kgolo ya itsholelo
Tshegetso Tekatekano mo bathong
Go ikanyega mo kamanong ya batho le tikologo
Mekgele ya go laola metsi
Ga re a huma metsi. Metswedi ya metsi a rona e lebane le tlhokego e e oketsegang le matshosetsi. Mo nakong e e fetileng, metsi a ne a sa abiweka tekatekano. Gantsi metsi a a senngwa. Ka gone, metsi se tokafale mo nakong e e tlang.
Go tlhomamisa gore batho ba na le metsi a a lekaneng ditlhokafalo tsa bone tsa motheo
Go tlhomamisa gore tikologo ya tlholego e sireleditswe
Go tlhomamisa gore mongwe le mongwe o kgona go bona metsi ka tsela e e tshwanang
Go tlhomamisa gore metsi ga a senngwe le gore a dirisiwa sentle
Go tlhomamisa gore go na le metsi a lekaneng a nako e e tlang, a itsholelo e e siameng le a mokgatlho wa batho o o atlegileng
Go tlhomamisa gore mongwe le mongwe o duela karolo ya gagwe ya tlhotlhwa ya metsi a a dirisang, ka mantswe a mangwe gore metsi a duelelwa ka tekatekano
Go ikanyega mo boitlamong jwa rona go baagelani ba rona, Lesotho, Swaziland, Mozambique, Zimbabwe, Botswana le Namibia.
Go Tlhabolola Togamaano ya Naga Malebana le Metswedi ya Metsi
Togamaano ya Naga Malebana le Metswedi ya Metsi ke thulaganyo eo mo go yone ditogamaano tsotlhe tse di farologaneng tse re di tlhokang go laola metswedi ya metsi di ka kopanang ka tsela e e rulaganeng. Molao-tlamo wa Naga wa Metsi wa re Togamaano eno e tshwanetse go tlhabololwa bobotlana morago ga dingwaga dingwe le dingwe di le tlhano.
Seno ga se reye gore re tla leta dingwaga di le tlhano go simolola go e dirisa. Ditlhopha tsa batho di ntse di tshwaregile ka go tlhabolola mekgwa le ditsamaiso tsa go dirisa dikarolo tse di farologaneng tsa Togamaano eno, ebile ba gatisa dingwe tsa tsone mo Government Gazette gore go akgelwe ka yone, le eleng pele ga Togamaano ya Naga Malebana le Metswedi ya Metsi ka boyone e siamela go ka gatisiwa. Malebana le dikarolo tse dingwe tsa Togamaano eno, mekgwa e e tlhalositsweng ka botlalo, ditsela le melawana ya tsone e santse e tlhabololwa.
Go Tshegetsa Togamaano Malebana le Metswedi ya Metsi - ditogamaano tse di thusang
Go oketsa thutego, jaaka go kopa mekgatlho ya thuto le ya thapiso go godisa dithuto tse di kgethegileng, dithuto tsa diploma le tsa degree le dithulaganyo tsa dibasari.
Go tsaya karolo ga batho go letlelela mongwe le mongwe yo o ratang go tsaya karolo mo taolong ya metsi go dira jalo. Lephata leno le setse le tlhamile kaelo ya go dira gore batho ba tseye karolo.
Thuto le temogo e dirwa go lemotsha Ma-Afrika Borwa gore metsi ke motswedi o o sa bonaleng motlhofo le wa botlhokwa. Thulaganyo ya Thuto kaga Metsi - 2020 Ponelopele kaga Metsi - e setse e dirisiwa mo dikolong di le 10 000 go dikologa naga mme e tla fetisediwa le kwa diunibesithing.
Patlisiso go godisa kitso le tlhaloganyo go tokafatsa kafa re laolang metswedi ya metsi ka teng.
"TIRISO YA METSI" KE ENG?
Molao-tlamo o re letlelela go dirisaMolao-tlamo wa Metsi wa Naga o leba metsi ka tsela e a ka kgonang metsi ka ditsela tse dintsi go tlhabololago dirisiwa ka teng. Mo go Karolo 21, o tlhalosa mefuta e e lesome batho le itsholelo. Dingwe tsa ditsela le bongwe e e sa tshwaneng ya tiriso ya metsi:
go tsaya metsi go tswa motsweding wa metsi o o tshwanang tseno di ka ama metswedi ya metsi ka le molatswana, noka, petse, mogobe kgotsa letsibogo go a dirisa tsela e e sa siamang fa e sa laolwe ka go boloka metsi jaaka go a boloka mo tamong kelotlhoko. Ka sekai, Molao-tlamo o go kgoreletsa kgotsa go faposa metsi jaaka, ka sekai, fa metsia a elelelang mo molatswaneng kgotsa mo nokeng a tshwanela letlelela madirelo go tshololela metsi a go thibelwa kgotsa a lebisiwa go sele go dira gore tsela e ntsha e one a a leswe mo dinokeng le mo kgone go dirwa dinokaneng, fa fela seno se dirwa ka go fokotsa go elela ga metsi a molatswana, go dirisiwa metsia pula, go godisa ditlhare kgotsa dijalo tse di tshwanang le temo tetlelelo ya Lephata leno le fa go latelwaya dikgwa bakeng sa kgwebo e e dirisang metsi a mantsi go na melao e e gagametseng gophepafatsale ditlhare tsa tlholego. Seno se raya gore metsi a pula a a tla metsi ano. Seno se sireletsa metswedi bong a fitlhile kwa dinokeng a dirisiwa otlhe ke ditlhare le dijalo ditiro tse di laolwang tse di tshwanang le go nosetsa ka metsi a ya metsi le badirisi ba bangwe.
a leswe go ntshetsa metsi a a leswe ka tlhamalalo mo motsweding wametsi go tsholola metsi a a leswe jaaka go a tshololela mo megojwaneng ya go rusisa, matamo a go omeletsa dilo go latlha metsi a a leswe a a mogote a a tswang mo madirelong le madirelo a motlakatse go fetola madiba, matshitshi kgotsa ditsela tse metsi a tsamayang mo go tsone jaaka fa noka kgotsa nokana e fetolwa letsibogo kgotsa fa go "epiwa" motlhaba mo matshitshing kgotsa bodibeng jwa noka go dirisiwang mo kagong go ntshiwa ga metsi a a kafa tlase ga lefatshe bakeng sa ditiro tse di tshwanang le meepo le kago; le boitlosobodutu, metshameko ya metsi e e tshwanang le go thuma
RE TLA SIRELETSA METSWEDI YA METSI JANG GORE E
SEKA YA DIRISIWA THATA YA BA YA KGOTLELWA?
Afrika Borwa e ikaegile thata mo ditlhabololong tsa
Ditaolo tse di Dikgato tse di batho le tsa itsholelo le mo go namoleng leuba ka lebisitsweng lebisitswenggo dira ditiro. Gore re dire seno, re tlhoka metsi. metsweding metsweding Ka nako e e tshwanang, Molao-tlamo wa Naga wa
Go boloka metswedi
Metsi o lemoga gore ga se mo go ka kgonegang ya metsi e nayagape go ka se direge gore go tilwe dilo tsotlhe tse botsogo jo bodi ka amang boleng jwa metsi, go seng jalo go ka Tse di ntshiwang molemo bo go sena kgolo ya itsholelo kgotsa tekatekano Dilatlhwa ya batho.
Jalo mo go Kgaolo 3, Molao-tlamo o re naya didirisiwa tsa semolao tsa go dira ditshwetso tse di Go laola go amiwa ke tla dirisanang mmogo go fitlhelela tekatekano gareng tiriso ga go sireletsa le go dirisa metswedi ya metsi. (bona Setshwantso 5 le fa tlase).
Go sireletsa metswedi ya metsi gore e neye botsogo jo bo molemo -dikgato tse di lebisitsweng mo metsweding
Dikgato tse di lebisitsweng mo metsweding di tla tlhokomela boleng jwa metsi, bogolo jwa metsi, diphologolo tse di tshelang mo metsweding ya metsi, le dijalo tse di leng teng go dikologa motswedi wa metsi. Tseno tsotlhe di tshwanetse gore di bo di na le botsogo jo bo molemo e le gore motswedi wa metsi o kgone go bereka sentle le go tlamela ka metsi.
Santlha, Lephata leno le tla simolola tsamaiso ya naga ya go baya metswedi yotlhe ya metsi mo nageng ka ditlhopha. Setlhopha sengwe le sengwe se tla bontsha gore se ama motswedi oo jang ka tsela e e sa amogeleseng, kgotsa e e amogelesegang. Setlhopha seno gape se tla bontsha gore ke metsi a a kana kang a a ka dirisiwang. Ditlhopha tsa taolo tse go akanngwang ka tsone ke:
lholego, koo batho ba sa amang metswedi ya metsi go le kalo le koo boemo jwa motswedi wa metsi bo santsen bo le gaufi le jwa tlholego, jaaka dinokana tsa mo dithabeng.
Molemo, koo motswedi o setseng o fetotswe go sekae kgotsa ka mo go lekaneng ka ntlha ya kafa o amilweng ke batho ka teng.
Seng maswe thata, koo boemo jwa motswedi wa metsi bo farologaneng thata le jwa kwa tshimologong jwa tlholego.
Maswe, boemo jo bo kwa tlase thata ga jo bo seng maswe thata, jo boikaelelo e leng go bo tokafatsa go bo dira jo bo seng maswe.
Sa bobedi, Lephata leno le tla dira tshwetso ya setlhopha sa motswedi wa metsi mongwe le mongwe wa botlhokwa mo nageng mme gape, le dira tshwetso ka setlhopha se le se batlng mo nakong e e tlang, le sena go buisana le banaleseabe. Badirisi ba metsi ba tla thusa go dira tshwetso ya gore ba batla gore motswedi wa metsi wa bone o nne jang mo nakong e e tlang, e le gore go laola metsi go tle go tokafatse gore motswedi oo o naye botsogo jo bo molemo mo nakong e e tlang. Go baya metswedi ya metsi ka ditlhopha go tla dirwa mo dingwageng tse 10 go ya go tse 15 tse di latelang, go simolola ka mafelo ao kgato e tlhokegang ka bonako mo go one.
Sa boraro, fa go setse go dirilwe Go lekalekanya tekatekano le tshegego - Raseboa tshwetso ka boemo jo bo batliwang mo nakong e e tlang, Lephata leno Fa metsi otlhe mo nageng a ne a ka tsenngwa mo kgamelong, Raseboa ke le tla dira katlholo ka boitlhomo metsi a ka metlha a tshwanetseng go tlogelwa mo kgamelong gore a dirisetswe malebana le boleng jwa motswedi. ditlhokafalo tsa batho tsa motheo le ditlhokafalo tsa kamano ya batho le Boitlhomo jono bo tla bolelela balaodi tikologo. gore ke metsi a a kana kang a a tlhokegang ka nako efe go boloka motswedi o naya botsogo jo bo
Ditiriso tsotlhe tse di letleletsweng go ya ka
Kafa a Abiwang ka Teng le tikologo
Boikarabelo jwa LekgotlaBoikarabelo jwa Naga le le Laolang Matamo molemo. Bo tla bolelela balaodi gore boleng jwa metsi bo tshwanetse go nna bofe le gore boemo jwa diphologolo le dijalo e tshwanetse go nna bofe.
Ka nako e e tshwanang, Lephata leno le tla nna le Raseboa ya metswedi ya metsi yotlhe mo nageng. Raseboa yono o tlhalosiwa mo Setshwantshong 6. Fa go sena go atlholwa selekanyo sa Raseboa seemosa go abiwa ka tekatekano, tiriso e e solegelang molemo dikgatlhego tsa batho, le ditekanyetso tsa tikologo
Raseboa -
Ditlhokafalo tsa motheo tsa batho ke yone tshwanelo e le nosi malebana le metsi mo Molao-
Ditlhokafalo tsa kamano ya batho tlamong wa Naga wa Metsi yono le metsi a a tla lekanang
Raseboa yono a sena go beelwa kwa Setshwantsho 6. Se tlhalosa gore Raseboa ke eng. Setshwantsho seno gape se bontsha kafa Lephata leno le tla rulaganyang go abiwa ga metsi go ya kathoko, ke gone metsi a ka abiwang botlhokwa jwa one. Raseboa ke yone e e tsayang maemo a ntlha.
go dirisediwa dilo tse dingwe.
Go laola kgotlelo ya metsi le tiriso e e feletseng ya metswedi ya metsi ditaolo tse di lebisitsweng motsweding
Ga go kgonege go tila kgotlelo ya metsi gotlhelele, lefa go ntse jalo go a kgonega go laola kgotlelo e le gore metswedi ya metsi e nne e bereke ka tshwanelo. Ditaolo tse di lebisitsweng motsweding di tla laola kgotlelo le tiriso e e feteletseng ya metswedi ya metsi. Ka sekai, di tla laola selekanyo sa metsi a a tsewang mo motsweding. Gape di tla laola gore ke eng se se tswang mo dipompong tsa madirelo tsa metsi a a leswe. Seno se tla dirwa ka ditsela di le mmalwa.
Dikgato tsa setsha tse di tlhomameng. Madirelo, meepo, madirelo a go phepafatsa leswe, le ditiro tse dingwe tse di kgotlelang metsi di tla tshwanela go kopa laesense pele ga ba ka letlelelwa go ntshetsa metsi a a leswe mo motsweding wa metsi.
Ditlwaelo tse di siameng thata tsa go laola. Tseno di dira go kgabaganya naga tse di tshwanang le ditekanyetso tsa go laola go latlhwa ga matlakala.
Dikgato tse di kgethegileng, tse di tshwanang le ditogamaano tsa go laola matamo.
Tsela e ditshwetso kaga boleng jwa metsi le go laola kgotlelo di dirwang ka teng
Lephata leno le dira ditshwetso kaga boleng jwa metsi le taolo ya kgotlelo kgato ka kgato.
Kgato ya ntlha ke go thibela kgotlelo. Modirisi wa metsi yo o tshwanang le madirelo o tshwanetse go bontsha gore o dirile sengwe le sengwe se se utlwalang le se se kgonegang go thibela leswe le le tla bakang kgotlelo.
Kgato ya bobedi ke go fokotsa kgotlelo. Badirisi ba metsi ga ba kake ba kgona go tila go baka leswe ka metlha. Mme Molao-tlamo wa Naga wa Metsi o bua ka tlhamalalo gore metsi a a leswe a a dirwang a tshwanetse a boela a dirisiwa ka mo go ka kgonegang ka teng, eseng jalo a tshwanetse go phepafadiwa go ntsha leswe. Lephata leno gape le kgothaletsa thata gore boitseanape jwa go dira dilo e nne jo bo phepa le gore mekgwa ya go tlhokomela madirelo e nne e e siameng. Malebana le go latlhiwa ga matlakala, go dirisiwa Tlhokafalo e Potlana ya go Latlha Matlakala ya Lephata leno.
Kgato ya bo raro e ka tsewa fela fa dikgato tsotlhe tse dingwe di sena go tsewa go thibela kgotsa go fokotsa kgotlelo, lefa go sena ka tsela e nngwe e seno se ka dirwang ka teng. Ke gone go latlhwa kgotsa go ntshiwa ga metsi a a leswe go ka letlelelwang, mme e le tlase ga maemo a a rileng fela le fela fa noka kgotsa nokana e metsi a a leswe a tla tshololelwang mo go yone e na le metsi a a lekaneng go amogela metsi a a leswe ano.
BADIRISI BA METSI BA TLA BONA JANG TETLA YA GO DIRISA METSI?
Bao ba dirisang metsi a mantsi ke bone ba ba mo kotsing ya go ama metswedi ya metsi ka tsela e e sa siamang. Bano ba akaretsa temo, meepo, madirelo, mafelo a metse-setoropo le mekhukhu.
Go ya ka Kgaolo 4 ya Molao-tlamo ono, tiriso yotlhe ya metsi e tshwanetse ya "nna le tetla". Ka mantswe a mangwe, batho ba tshwanetse go amogela tetla ya go dirisa metsi. Go tshwanetse ga nna le melao ya go dirisa metsi ka botlhale (bona Setshwantsho 7)
Go na le ditsela di le dintsi tse di farologaneng tse motho a ka letlelewang ke Lephata leno go dirisa metsi. Batho ba ba dirisang metsi ka dilekanyo tse di potlana mo matlong, go nosetsa ditshingwana le go nosa diphologolo (boikaelelo e se jwa kgwebo) kgotsa ba boloka metsi a pula a a tswang mo marulelong ba bo ba a dirisa morago, ba setse ba na le tetlelelo ya go dirisa metsi. Molao-tlamo wa Naga wa Metsi o ba bitsa badirisi ba "Thulaganyo 1".
Metsi a mantsi, kgotsa tiriso ya metsi e e ka amang motswedi wa metsi ka tsela e e sa siamang e e tshwanang le fa madirelo a tshololela metsi a a leswe mo motsweding wa metsi, a tshwanetse go nna le tetlelelo. Seno se ka dirwa ka ditsela di le tharo:
Ditletla tsa Kakaretso, fa modirisi a dirisa metsi a sena lekwalo la tetlelelo, go ikaegile ka gore tiriso ya metsi e tsamaisana le Tetla ya Kakaretso.
Go tsweledisa tiriso ya semolao e e ntseng e le teng ke tiriso ya metsi epe fela ya semolao e e tlase ga molao ope fela go simologa ka October 1996 go ya go 31 September 1998, go fitlhela badirisi ba ba ntseng jalo ba newa dilaesense.
Dilaesense (bona fa tlase).
Badirisi ba metsi ba ba letleletsweng ba tla kgona go dirisa metsi, mme gape ba tla nna le boikarabelo jwa go dirisa metsi tumalanong le maemo a tetlelelo. Maemo ano a tla sireletsa tikologo gape a tla akanyetsa ditlhokafalo tsa badirisi ba bangwe ba metsi.
Go Newa Laesense
Laesense ya go dirisa metsi ke lekwalo la semolao. E naya motho tetla ya go dirisa metsi go ya ka maemo a laesense.
Dilaesense
Kotsi e kgolo
Tlhokego ya RaseboaMaemo ano a tshwanetse go tlhatlhobiwa mo e ka
Tshwanetse go kwadisa nnang dingwaga dingwe le dingwe di le tlhano.
Ditetla tsa Kakaretso
Laesense e ka nna ya boleele jwa dingwa tse di fitlhang go tse 40.
Tiriso e e tlwaelegileng
Kamego e e seng kotsi thata
Ka sekai, go boloka metsi a a kwa
Dilo tsa botlhokwa tse di tshwanetseng go tlase ga 50 000 m3
itsiwe ka dilaesense
Ka sekai, go tshololela metsi a a leswe a a ka bolang ka go a nwetsa mo mmung
Lephata leno le ka nna la tsaya laesense fa modirisi wa yone a tlola maemo a laesense eno.
Tiriso ya Thulaganyo ya Ntlha
Go fetolwa ga maemo a laesense ya motho go ka dirwa fela fa maemo a dilaesense tse dingwe tsa
Tiriso e e anameng Kamego ya kotsi e potlanakgotsa e e seyong tiriso e e tshwanang ya metsi kgotsa go tswa ka sekai, ditanka tsa metsi, metsi a a dirisiwang motsweding o le mongwe wa metsi le tsone di mo matlong Go sa kwadisa fetolwa.
Nako e laesense e berekang ka yone e ka se fetolwe,
Dithulaganyo tsa go laola tiriso ya metsi di thailwe mo kotsing e e ka nnang ya diragala, tlholego le bogolo jwa kamego e e ka nnang ya nna teng mo motsweding wa metsi lefa go ntse jalo e ka okediwa fa e tlhatlhobiwa ka selekanyo sa nako ya tlhatlhobo, se se ka nnang dingwaga tse tlhano.
Thulaganyo ya go kopa dilaesense ga batho le go Setshwantsho 7. Molao-tlamo wa Naga wa Metsi or tlhoma tlhatlhobiwa sone e tsweletse pele mo nakong eno, melao ya go dirisa metsi ka botlhale. Melao e e ka nnang ya mme e tla bo e baakantswe sentle mo dingwageng nna teng mo motsweding wa metsi e le kgolo, melao ya go tse pedi tse di latelang. dirisa metsi e tla gagamadiwa thata.
Laesense e e Patelesegang
Lephata leno le tla batla laesense e e patelesegang ya go dirisa metsi mo mafelong a go ka nnang ga bo go sena metsi a a lekaneng badirisi botlhe, kgotsa koo boleng jwa metsi bo setseng bo ya kwa tlase. Mo mafelong ao, metsi otlhe a a leng teng le a a ka nnang teng kwantle ga badirisi ba Thulaganyo 1 le badirisi ba ba leng tlase ga Ditetlelelo tsa Kakaretso, ba tla tshwanela go kopa dilaesense.
Tsamaiso ya go tlhatlhoba dikopo tsa laesense e tla tlhomamisa gore mongwe le mongwe o akanyediwa ka tekatekano le ka go sa tlhaolwe gore a bone metsi le gore metsi a abiwa ka tsela e e bothakga le e e nang le mosola, go akanyediwa mabaka a a tlhomameng.
Setshwantsho 8. Thulaganyo ya go nna le laesense e e patelesegang mo Mafelo a go Laola Metsi a a farologaneng.
Ikwadiso ya go dirisa metsi
Lephata leno le tlhoka go itse gore ke tiriso efe ya metsi e e diragalang mo metsweding e e sa tshwaneng ya metsi le kafa metsi a mantsi a dirisiwang ka teng. Ka boikitsiso jono, Lephata leno le ka rulaganya sentle, la godisa la ba la laola metswedi ya metsi go sireletsa badirisi ba metsi le metswedi ya metsi ka boyone. Ka lebaka leno, badirisi ba metsi ba setse ba kopilwe go ikwadisetsa go dirisa metsi fa e le gore ba tsaya metsi ba bo ba a boloka, kgotsa fa e le gore ba fokotsa go elela ga dinokana (dikgwa tsa kgwebo). Tsamaiso ya semolao ya ikwadiso eno e fedile ka June 2001 mme bontsi jwa badirisi bano ba metsi ba setse ba ikwadisitse. Badirisi ba ba sa ikwadisang ba santse ba ka tsenya kopo yai kwadiso ya morago. Ditiriso tse dingwe tsa metsi di tla ikwadisediwa fa nako e ntse e tsamaya.
GO KGOTSOFATSA GO BATLIWA GA METSI
Jaaka batliwa ga metsi go oketsega, re tla tlhoka go tsamaisanya go batliwa le metswedi ya metsi. Re tlhoka go kopanya ditogamaano, nngwe le nngwe e na le madi a e a tlhokang, nako le maiteko. Tseno di kopanyeletsa:
Go laola go batliwa ga metsi le poloko ya one
Go abiwa ga metsi gape, jaaka fa batho ba ba dirisang (bona fa tlase). metsi a mantsi ba tla tshwanela go abela ba
Go laola metswedi ya metsi a a fa godimo bangwe ba ba senang a a lekaneng mangwe a one. le poloko ya one.
Go fudusetsa metsi mo mafelong a a leng mantsi mo
Go godisa metswedi ya metsi a a fa godimo, go one kwa mafelong ao metsi a sa bonaleng motlhofo mo go a a tshwanang le go aga matamo. one.
Go tlosiwa ga dijalo tse di tlhogang fa di sa
Go laola boleng jwa metsi le kgotlelo jaaka go tlhalositswe tshwanela teng jaaka Go Direla Thulaganyo mo go Karolo 7.3. ya Metsi, go oketsa metsi a a leng teng Go fitlhelela ditlhokafalo tsa Raseboa jaaka go mo matamong a dinoka. tlhalositswe mo go karolo 7.10.
Go dirisa metsi gape, jaaka mo madirelong a go dirisa metsi a one a a leswe gape.
Go boloka metsi le go laola go batliwa ga one
Mo nakong e e fetileng, Lephata leno le ne la fudusetsa metsi a ma- felo a a leng mantsi kwa go one kwa mafelong a nang le a le mannye, kgotsa la aga matamo a magolo kgotsa la letlelela gore go agiwe matamo a magolo go tlhomamisa gore go tla nna le metsi a a lekaneng go kgotsofatsa ditlhokafalo tsa badirisi ba metsi. Lefa go ntse jalo, le yone mekgwa eno bonale motlhofo ka ntlha ya koketsego ya batho mo nageng eno le ka baka la ditlhokafalo tsa metsi tsa madirelo, temo, meepo le tsa dilo tse dingwe.
Togamaano ya Naga ya Metswedi ya Metsi e re naya tsela e ntsha ya go dirisana le seno e e bidiwang go bolokiwa ga metsi le go laola go batliwa ga one.Batho ba le bantsi ba ka dirisa metsi a a kwa tlase da go fetola mokgwa wa bone le ka go boloka metsi. Re tla kgona seno ka tsela e mokgwa wa bone le ka go bolok latelang:
Mekgatlho ya metsi e e tshwanang le taolo ya mafelo e e tlamelang badirisi ba metsi ka one ba tshwanetse go dira seno sentle, ba sa senye metsi a mantsi (ka sekai, ba tlhomamisa gore dipompo tsa go aba metsi ga di dutle) gape bo tshwanetse go rotloetsa badirisi ba metsi gore ba boloke metsi.
Badirisi botlhe ba metsi ba tshwanetse go dirisa metsi sentle gape ga ba tshwanela go a senya. Ka sekai, ba tshwanetse go tswala dipompo tsa metsi sentle, ba thibe diphaephe fa di dutlang teng, gape ba dirise metsi a ba a tlhokang fela.
Go bolokwa ga metsi e tshwanetse go nna karolo ya togamaano ya metswedi ya metsi le ditirelo tsa metsi.
Lephata leno le tla nna le matsholo a go dira gore batho ba eletlhoko botlhokwa jwa go boloka metsi, go dirsa dikolo tsa thuto le go kgothatsa makgotla a metsi go dirisa le go rotloetsa go bolokwa ga metsi. Lephata lengwe le lengwe, le le tshwanang le la temo, madirelo, go dirwa ga motlakase le meepo le tla itirela tsela ya lone ya go boloka metsi le togamaano ya go laola tlhokego ya one. Lephata leno le ka nna la dirisa ditekanyetso tsa laesense ya go dirisa metsi go tlhalosa ditlhokafalo tsa go boloka metsi.
GO TLHOMA TLHOTLHWA YA DITUELO TSA METSI LE THUSO YA MADI
Ke ka ntlhayang fa go laolwa ga metsi go duelelwa?
Jaaka badirisi ba ba oketsegileng ba metsi ba tlhoka metsi, go nna le dikgwetlho tse di oketsegileng tsa go laola metswedi ya metsi. Jalo, dituelo tsa go tlhokomela le go laola, go tlhatlhoba le go logamaano, go tlhama le go aga matamo a masha, go dira le go tlhokomela madirelo a metsi, go abiwa ga metsi, go sirelediwa ga metswedi y a metsi, le ditiro tse dingwe tsa go laola, di a oketsega.
Ka ntlha ya mabaka ano, Molao-tlamo wa Naga wa Metsi o rulaganyeditswe Togamaano ya go Tlhoma Tlhotlhwa ya Dituelo tsa Tiriso ya Metsi (Kgaolo 5 ya Molao-tlamo ono). Morago ga go botsa batho ba le bantsi, go ne ga gatisiwaTogamaano ka November 1999 (Kitsiso ya Puso No. 1353). Togamaano eno e letlelela gore dituelelo dingwe tsa taolo ya metsi di duelwe ke badirisi ba metsi.
Ke dituelo dife tsa taolo ya metsi tse di tla duelwang ke badirisi ba metsi?
Go na le dikarolo di le tharo tsa dituelo. Tseno ke:
Tuelo ya taolo ya motswedi wa metsi. Seno se akaretsa ditiro tsa taolo tse di tshwanang le go laola go dirisiwa ga metsi, go laola boleng jwa metsi, go laola tshireletsego ya matamo le go boloka metsi (go kopanyeletsa le thulaganyo ya Go Berekela Metsi e e leng ya taolo ya dijalo tse di tlhogang fa di sa tshwanelang teng).
Kgodiso ya motswedi wa metsi le tuelelo ya madirelo a metsi. Madi otlhe a seno a a tla tlhokegang kwa tshimologong mo dingwageng tse 25 tse di latelang e ka nna R12 billion, go kopanyeletsa le R530 million ngwaga le ngwaga e le a a duelelang dilo tse di tshwanang le go tlhabolola le go baakanya madirelo a a leng teng.
Tuelo eno e tla duelela ditiro tse di tshwanang le go logamaano, go tlhama, go tlhabolola, go dirisa, go tlhokomela le go tokafatsa dithulaganyo tsa Puso tsa metsi le dithulaganyo tse di tla duelelwang ke mekgatlho ya taolo. Dituelo tsotlhe tsa tiriso le tlhokomelo di tla nna di duelwa ka bonya mme di tla duelwa ke badirisi botlhe, go akaretsa le lephata la temo. Go fokotsega ga boleng go tla nna go duelwa ka bonya ke badirisi botlhe. Morokotso wa dithoto o tla duelwa ke balaodi ba ditirelo tsa metsi, madirelo, meepo le mekgatlho ya motlakase.
Dituelo tsa go latlhwa ga matlakala. Seno se tla simolola go duelelwa mo nakong e e tlang go ya ka molao-motheo wa "go duela mokgotledi". E tla simolola dikatso le dithibelo tsa:
go tlhomamisa gore tuelelo ya kgotlelo, ka mo go ka kgonegang ka teng, e sikarwa ke mokgotledi mme e seng ke badirisi ba bangwe ba metsi bao ba ka tswang ba le mo seemong se se maswe ka ntlha ya kafa metswedi ya metsi e amilweng ka mo go sa siamang ke matlakala;
kgothaletsa gore go latlhwa ga leswe go fokodiwe; le go rotloetsa go dirisiwa ga metsi sentle.
Ke bomang ba ba tla tlhomang ditlhotlhwa, mme jang?
Dituelo tsa go laolwa ga metsi ga di tshwane mo mafelong a a farologaneng, go ikaegile ka maemo a lefelo leo. Mekgatlho ya Taolo ya Matamo (bona Karolo 11) mo go nngwe ya Mafelo a Taolo ya Metsi a a 19 e tla ikarabelela mo go tlhomeng tlhotlhwa ya go laolwa ga metsi le tlhotlhwa ya go latlhela matlakala kgotsa matlakala a a nang le metsi mo metsweding ya metsi. Ditlhotlhwa tsa tiriso ya metsi le tsa go latlhwa ga matlakala di tla farologana mo Mafelong a a farologaneng a Taolo ya Metsi, mme gape go ka nna ga farologana gareng ga maphata a a farologaneng (ka sekai, temo, madirelo, dikgwa) go ikaegile ka ditlhokafalo tsa lefelo le maemo.
Thuso ya madi
Badirisi ba metsi ba tla newa thuso ya madi ka ditsela di le pedi. Lephata leno le tla duela bontlha bongwe jwa dituelo tsotlhe tsa metsi a ditsamaiso tsa Puso tsa metsi di a nayang balemi ba ba simololang go nosetsa ka one ka lobaka lwa dingwaga di le tlhano go simolola ka nako e go nosetsa go simolotseng ka yone.
Go na le madi a puso e thusang balemi ba ba simololang ka one ba e leng maloko a Mekgatlho ya Badirisi ba Metsi, gore ba age kgotsa ba tlhokomele madirelo a metsi a ba a dirisang botlhe. Madi a puso e thusang ka one a a dirisiwang mo tirong a tla nna teng mo ngwageng ya ntlha go dirisiwa ke Mekgatlho ya Badirisi ba Metsi bao ba jaanong e nnang bone ba sikarang ditsamaiso le tlhokomelo ya ditsamaiso tsa Puso tsa metsi.
MEKGATLHO YA TAOLO YA METSI
Boikaelelo jwa Mokgatlho wa
Taolo ya Metsi ke gore badirisi Lemororo Tona ya Merero ya Metsi le Dikgwa e le ene motshwara-marapo ba metsi le batho ba ba wa batho ba metswedi ya metsi mo boemong jwa Puso ebile e le ene yo o okamelang dikarolo tsotlhe tsa taolo ya metsi, boikarabelo le bolaodi amiwang ke kafa metsi a jwa taolo ya metsi kgabagare e tla nna jwa lefelo leo. abiwang ka teng ba tshwanetse go nna le seabe
Ka baka la seno, Molao-tlamo ono o re naya mekgatlho e e farologaneng se segolo sa kafa metswedi ya taolo ya metsi mo go Kgaolo 7, 8, 9 le 10, mongwe le mongwe o na ya metsi e laolwang ka teng le ditiro tse di tlhomameng. mo lefelong la bone.
Mo nakong eno, Lephata leno le na le boikarabelo jwa go diragatsa dikarolo tsotlhe tsa Molao-tlamo ono mo boemong jwa Tona. Seabe sa Lephata leno se tla fetoga jaaka mekgatlho ya mafelo ya taolo ya metsi e tlhomiwa mme boikarabelo le taolo ya metswedi ya metsi di rolelwa mo go yone kgotsa e abelwa yone. Seabe sa Lephata leno kgabagare e tla nna go naya molawana wa morafe le thulaganyo ya go laola taolo ya metswedi ya metsi le go tlhomamisa gore mekgatlho e mengwe e dira ka tshwanelo.
Mekgatlho ya Taolo ya Matamo
Jaaka go bontshitswe mo Setshwantshong 3, Afrika Borwa e kgaogantswe ka Mafelo a Taolo ya Metsi a le 19. Mekgatlho ya Taolo ya Matamo e tla tlhokomela go laolwa ga metswedi ya metsi mo lefelong lengwe le lengwe. Mekgatlho ya Taolo ya Matamo gape e tla tsamaisa ditiro tsa badirisi ba metsi le mekgatlho e mengwe ya taolo ya metsi mo mafelong a bone. Molao-tlamo ono o tlhoka gore Mekgatlho ya Taolo ya Matamo e dire ditogamaano tsa go laola matamo mo mafelong a one.
Mekgatlho ya Taolo ya Matamo e tla tlhomiwa semolao ka tsamaiso e e tla nnang motsena-gare gareng ga yone le morafe. Tsamaiso eno e setse e simolotse mo Mafelong a Taolo ya Metsi a a 19. Mekgatlho ya Taolo ya Matamo e ka nna ya tlhomiwa go ya ka lefoko la Tona kgotsa ka gonne setlhopha sa batho ba lefelo la letamo leo ba dirile kakantsho e e yang kwa go Tona ba sena go buisana le batho ka botlalo. Kakantsho eno e tshwanetse go akaretsa, ka sekai, dintlha malebana le melelwane e Mokgatlho ono wa Taolo ya Matamo o tla sekeng o e tlole, tshedimosetso malebana le metswedi ya metsi, ditlamela-botshelo tse di leng teng, le badirisi ba metsi mo lefelong leo, le ditsela tsa kafa o tla laolwang ka teng le kafa Mokgatlho wa Taolo ya Matamo o o akantshiwang o tla ituelelang ka teng. Mokgatlho wa Taolo ya Matamo o tla simolola go dira fa Lekgotla le le Laolang le sena go tlhomiwa ke Tona. Maloko a Lekgotla le le Laolang a buelelwa ke Komiti ya Bogakolodi eo maloko a yone a kgethiwang ke badirisi ba metsi mo lefeleng la letamo leo.
Mekgatlho ya Badirisi ba Metsi
Mekgatlho ya Badirisi ba Metsi ke ditlhopha ka bongwe tsa badirisi ba metsi bao ba batlang go dira ditiro tse di malebana le metsi mo mafelong a bone mo go tla ba solegelang molemo ka go lekalekana, ditiro tse di tshwanang le go nosetsa mo temong, kgotsa go laola boleng jwa metsi. E dira tumalanong le molao-theo o o tlhomilweng jaaka go kwadilwe mo dikaelong tse di kwadilweng ke Lephata leno. Go solofelwa gore ba tla itshegetsa ka madi a dituelo tsa tiriso ya metsi tseo di beilweng le go dirwa tumalanong le togamaanong ya peo-ditlhotlhwa mme di duelwa ke maloko a yone.
Makgotla a pele a go nosetsa a tla fetolwa go nna Mekgatlho ya Badirisi ba Metsi mo dingwageng tse pedi tse di latelang. Ka nako e e tshwanang, a ka nna ya atolosa mafelo ao ba dirang mo go one mme ba tshwanetse go tlhomamisa gore badirisi ba metsi botlhe mo mafelong a bone ba na le baemedi. Mekgatlho e Mesha ya Badirisi ba Metsi e ka nna ya tlhomiwa fa e tlhokega.
Mekgatlho e mengwe ya taolo ya metsi
Dikomiti tsa bogakolodi, tseo di tlhomiwang ke Tona a di tlhomela boikaelelo jo bo rileng (ka sekai, go buelela maloko a Lekgotla le le Laolang la Mokgatlho wa Taolo ya Matamo).
Dikopano, tseo go sa buiweng ka tsone mo Molao-tlamong ono lefa go ntse jalo e le tse di thusitseng fela thata mo bolaoding jwa metswedi ya metsi ka go kgothaletsa banaleseabe go tsaya karolo.
Mekgatlho ya go dirwa ga ditlamela-botshelo, mo go tshwanang le go aga matamo le ditsamaiso tsa go fudusa metsi.
Mekgatlho ya taolo ya metsi jwa dinaga eo e tlhometsweng go laolwa ga dinoka tse re di tlhakanetseng le dinaga tse dingwe.
Lekgotla la Boatlhodi la Metsi, leo eleng setlhopha se se ikemetseng ka nosi se boitlhomo jwa sone e leng go utlwa le go atlhola boikuelo kgatlhanong le ditshwetso tsa batsamaisi tsa, gongwe, go abiwa ga metsi (Kgaolo 15 ya Molao-tlamo ono). Lekgotla la Boatlhodi la Metsi ke mokgatlho wa semolao. Le na le seabe sa botlhokwa sa go tlhomamisa gore Puso e dire ditshwetso tse di utlwalang tsa botsamaisi. Batho ba na le tshwanelo ya go ikuela go Lekgotla la Boatlhodi fa ba sa dumalane le tshwetso ya mokgatlho wa taolo ya metsi malebana le metsi.
Tlhokomela: Mekgatlho ya ditirelo tsa metsi e tlamela badirisi ba metsi ka metsi le phepafatso ya leswe mme e kafa tlase ga Molao-tlamo wa Ditirelo tsa Metsi wa 1997.
GO TLHATLHOBA GORE RE DIRA JANG - GO DISA LE TSHEDIMOSETSO
Go disa ke go tlhatlhoba ka metlha boleng jwa metsi le go elela ga noka, letamo, mogobe kgotsa motswedi o o kafa tlase. Tshedimosetso ya go disa e tswa mo ditsamaisong tsa tshedimosetso.
Ditsamaiso tsa tshedimosetso di dirisiwa go boloka tshedimosetso malebana le metswedi ya metsi e le gore e ka kgona go dirisiwa motlhofo le go tlhaloganngwa ke balaodi ba metsi le badira-ditshwetso
Balaodi ba metswedi ya metsi ga ba kake ba dira ditshwetso tse di siameng fa ba na le tshedimosetso e e phoso kgotsa e e tlhaelang. Gape re tshwanetse go tlhatlhoba ka metlha gore a re fitlhelela mekgele ya rona ya go dirisa metsi ka botlhale.
Lemororo Lephata leno ka metlha le nnile la disa metswedi ya metsi, Kgaolo 14 ya Molao-theo wa Naga wa Metsi jaanong o tlhoka semolao gore go tlhomiwe ditsamaiso tsa go disa le ditsamaiso tsa tshedimosetso tsa mefuto yotlhe ya metswedi ya metsi.
Togamaano ya Naga ya Motswedi wa Metsi e tla diragatsa ditlhokafalo tseno ka ditsela di le pedi: ka go oketsa kgolagano ya naga e e leng teng ya go disa le go dira le go tokafatsa ditsamaiso tsa tshedimosetso.
Ditsamaiso tsa go disa
Lephata leno le setse le disa boleng jwa metsi mo nageng eno ka metlha, mo metsing a a fa godimo le a a kafa tlase, mme kgolagano e tlhoka go okediwa go disa dikarolo tse dingwe tse di tshwanang le ditshidinyana tse di bakang leswe, marang a motlakase le dilo tse di nang le botlhole. Go disa go sekaseka gore a badirisi ba metsi ka bongwe ba dira tumalanong le maemo a dilaesense tsa bone gape go tlhola gore a boleng jwa metswedi ya metsi bo nyalana le boitlhomo jwa boleng jwa motswedi oo jo bo tlhometsweng motswedi oo. Go tswa foo go tsewa dikgato tsa go siamisa, go akaretsa go sekisiwa fa go tlhokegang teng.
Lemororo Afrika Borwa e na le kgolagano e e siameng thata ya go disa boleng jwa metsi, re tla tlhoka go tokafatsa le go godisa kgolagano ya naga ya go disa go tsamaisana le ditlhokafalo tsa Molao-tlamo ono. Tsamaiso e e leng teng ya go phepafatsa le yone e tla tlhoka go godisiwa.
Ditsamaiso tsa tshedimosetso
Mo nakong eno Lephata leno le tlhatlhoba ditsamaiso tsa lone tsa tshedimosetso. Mefuta ya tshedimosetso e e tlhokegang e akaretsa ya go elela ga metsi a a fa godimo, boleng le bogolo jwa metsi a a kafa tlase le tiriso ya metsi le ditetlelelo. Ditsamaiso tsa naga di tla rulaganngwa gore Mekgatlho ya Taolo ya Matamo, fa e sena go tlhomiwa, di sikare boikarabelo jwa taolo ya tshedimosetso mo mafelong a taolo ya metsi, gammogo le go kgona go bona tshedimosetso e e tswang mo mafelong a a gaufi. Ditsamaiso tse nne tse dikgolo tsa Lephata leno di dirisana le metsi a a fa godimo, metsi a a kafa tlase, boleng jwa metsi le ditetlelelo tsa bolaodi jwa tiriso ya metsi.
Tshedimosetso e e mo ditsamaisong tsa Lephata leno tsa tshedimosetso e ka bonwa ke mongwe le mongwe. Mo godimo ga moo, Molao-theo ono o tlhoka gore motho ope fela, yo o ka kopiwang ke Tona, a neye tshedimosetso e e ka thusang mo bolaoding le tshireletsong ya metswedi ya metsi. Go ka nna ga kwalwa melawana ka seno.
TSHIRELETSEGO YA BATHO
Boikarabelo jwa Lephata leno ke go laola merwalela, tshireletsego ya matamo, komelelo le kgotlelo, go akaretsa kgotlelo e e ka bakang malwetsi a a tshwanang le kholera. Merwalela e e bakwang ke pula e ntsi kgotsa go thubega ga letamo, komelelo le go kgotlelwa ga metsi mo go bakwang ke dilo tse di nang le botlhole le ditshidinyana le di-vaerase tse di bakang malwetsi, di ka nna le ditlamorago tse di kotsi.
Mo nakong e e fetileng, naga eno e ne ya dirisana le dikudumedi di setse di diragetse,, kgotsa ya dirisana le ditlamorago tsa tsone. Mo nakong e e tlang, go tla nniwa pudimatseba go laola dikudumedi go sireletsa batho mo dikudumeding tsa tlholego le mo dikudumeding tse di bakwang ke ditiro tsa bato, le go fokotsa ditlamorago tsa tsone.
Tsela eno ya go nna pudimatseba e tswa mo Molao-tlamong wa Taolo ya Dikudumedi tsa Naga o mosha o o tshwanetse go dumelelwa go dirisiwa ke Palamente ka 2002. Molao-tlamo ono o tlhalosa sentle gore naga eno e tshwanetse go ipaakanyetsa ka mo go oketsegileng go dirisana le dikudumedi. Gape o bolela gore re tshwanetse go fokotsa gore dikotsi tsa dikudumedi di diragale, re tshwanetse go fokotsa bomaswe jwa ditlamorago tsa tsone fa di diragala le gore re tshwanetse go fokotsa gore batho ba tlhaselesege motlhofo, segolo jang bahumanegi le ba ba tlhokileng thuso.
Lephata leno le tla nna motshwaragani mo Thulaganong ya Naga ya Taolo ya Dikudumedi eo e tla tlhomiwang mme boikarabelo jwa lone e tla nna go dira dikarolo tse di malebana le metsi. Ka baka la boikaelelo jono, Lephata leno ke lone le le tshwereng marago mo go direng ditshwantsho tse di tla bontshang mafelo a naga eno a a ka welwang motlhofo ke dikudumedi tsa tlholego. Lephata leno gape le sekaseka go tlhoma lephata le le tlhoafetseng la tshireletsego ya batho go dirisana le dikudumedi le dilo tsa tshoganyetso tse di ka diragalang mo bolaoding jwa metswedi ya metsi, ditirelo tsa metsi le dikgwa.
TOGAMAANO YA NAGA MALEBANA LE METSWEDI YA METSI E TLA DIRISIWA LENG?
E setse e simolotse go dirisiwa, mme e tla tswelela kgato ka kgato mo e ka nnang dingwageng tse 20. Ka gonne ditiro tsa yone tse dintsi di le dikgolo e bile di raraane, thulaganyo e e akantshiwang eno ga se e e ka se fetogeng.
Thulaganyo eno e tla tlhatlhobiwa go ya ka boitemogelo jwa nako ya dingwaga tse tlhano tsa Tokololo ya Ntlha ya Togamaano Malebana le Metswedi ya Metsi, mme e tla baakanngwa morago ga dikakgelo tsa batho, mme e tla tlhatlhobiwa morago ga dingwaga dingwe le dingwe di le tlhano. Ditiro tsa go e dirisa di tlhalosiwa fa tlase fano.
Ditiro tsa taolo ya go diragadiwa le go tlhomiwa
Ditiro tsa taolo ya go diragadiwa le go tlhomiwa ke ditlhokafalo tse disha tsa Molao-tlamo tse di tsla diragadiwang gangwe fela. Di tlhomagantswe mo Tlhomaganyo 1 gammogo le dinako tse di tshwanetseng go dirwa ka tsone.
Tlhomaganyo 1. Nako ya ditiro tsa taolo ya go diragadiwa le go tlhomiwa. Dingwe tsa tsone di setse di simolotswe. Matlha a go solofelwang gore di tla bo di digetswe ka one le one a bontshitswe tlhomaganyong eno.
Tiro Letlha le tigelo e solofelwang ka lone
Dilaesense tse di patelesegang Magareng ga 2007 le 2020, go ikaegile ka WMA**
To tlhomiwa ga Mekgatlho ya Taolo ya Matamo Magareng ga 2003 le 2011, go ikaegile ka WMA
Go abiwa ga ditiro le go dira gore ditlamelo-botshelo e nne tsa mekgatlho ya taolo ya metsi Magareng ga 2005 le 2012, go ikaegile ka WMA
Go tlhomiwa ga Mekgatlho e mesha ya Metsi Magareng ga 2002 le 2003, go ikaegile ka WMA
Go okediwa ga dikgolagano tsa go Baya leitlho Magareng ga 2007 le 2012, go ikaegile ka kgolagano
Go tlhomiwa ga ditsamaiso tshedimosetso Magareng ga 2002 le 2007, go ikaegile ka tsamaiso
WMA - Mafelo a Taolo ya Metsi (bona Setshwantsho 3 pelenyana)
Go agiwa ga ditlamela-botshelo tse di bonalang
Lephata leno le sekasekile botlhokwa jwa go agiwa ga matamo a le mmalwa le, fa go tlhokega, ditlamelao-botshelo tse di tshwanang le mafelo a go pompa metsi, diphaepe le ditsamaiso tsa metsi, go lepalepana le ditlhokego tsa nako e e tlang (bona Tlhomaganyo 2). Madi otlhe a a fopholediwang a ditsamaiso tseno e ka nna R12 billion mo dingwageng tse 25 tse di latelang. Seno se akaretsa go fudusetsa metsi a oketsegileng mo tsamaisong ya Noka ya Vaal, a ba a isiwa kwa lefelong la Richards Bay, go ya go dirisetswa ditlhokego tse go akanngwang gore di tla nna teng le ditlhabololo.
Tlhomaganyo 2. Ditiro tse di akanyediwang mo nakong e e tlang tsa metswedi ya selekanyo se segolo ya metsi
Leina la Tamo/Tsamaiso Noka Tiriso Letlha le le lakanyediwang e
Letamo la Vioolsdrif Orange Nosetso, tokafatso ya go dira ga Tsamaiso ya Noka ya Orange. 2012
Letamo la Rooiport Olifants Meepo, mo ntlong (motse-setoropo le motse-selegae) 2010
Letamo la Springgrove le mosele wa metsi Mooi Fudusetsa kwa tsamaisong ya Umgeni . Motse-setoropo, madirelo. 2010
pele
Go Diragadiwa ga ditumalano tsa go arogana metsi le dinaga tse dingwe
Afrika Borwa e arogana dinoka tse dikgolo tse nne le dinaga tse thataro tse e bapileng le tsone:
Ka 2010, Lephata leno le ikaelela gore le bo le feditse dipatlisiso tsa metsi a a tlhakanetsweng le dinaga tse dingwe le gore le bo le digetse ditumalano tsa semolao tsa go tlhoma mekgatlho ya dinaga ya taolo ya metsi go laola metsi ano.
KAKGELO YA GAGO KE YA BOTLHOKWA
Re ka seka ra fitlhelela ponelopele ya rona ya taolo ya metswedi ya metsi sentle ka bonako fela - Togamaano Malebana le Metswedi ya Metsi e bontsha tsela ya go tswelapele mo dingwageng tse di ka nnang 20 go ya go 25 tse di tlang. Re tla diragatsa dikarolo tsa ponelopele ya rona tse di kgonegang, kgato ka kgato ka nako e e rileng.
Go itshetlegile ka Ma-Afrika Borwa otlhe, bao ba direlang puso, bao ba leng mo makgotlenga taolo ya metsi le badirisi ba metsi botlhe, go tsaya karolo mo boitekong jono jwa naga otlhe. Ka jalo go akgela ga gago mo Togamaanong eno e e akantshiwang go botlhokwa.
Dikopano tsa go botsa morafe
O kgothalediwa go tsaya karolo mo go e le nngwe kgotsa go feta ya dikopano tse di tlhomaganntsweng fa tlase fano.
Dipokano tseno di tla naya banaleseabe tshedimosetso e e oketsegileng malebana le seo se tshwerweng ke Togamaano Malebana le Metswedi ya Metsi le seemo sa metsi sa jaanong le sa nako e e tlang mo Mafelong a Taolo ya Metsi a bone (WMA). Kwa dipokanong tseno, banaleseabe ba ka botsa dipotso mme ba/kgotsa ba akgela.
Kopano nngwe le nngwe ya go botsa morafe e tla nna le karolo e e bulegetseng mongwe le mongwe eo mo go yone badiri ba Lephata leno ba tla dirisang ditshwantsho go tlhalosa dikarolo tse di raraaneng tsa Togamaano eno ka tsela e e motlhofo le ka puo ya lefelo leo. Fa e le gore wena kgotsa ditsala/kgotsa baberiki le wena o ka batla go nna teng mo go nngwe ya dikopano tseno, tswee-tswee tlatsa foromo e e tsentsweng mono o bo o e busetse Public Consultation Office.
Tlhomaganyo 3. Thulaganyo ya Dikopano tsa go Bodiwa ga Batho tsa WMA.
Mafelo a morafe a tokololo e e feletseng ya Togamaano e e Akantshiwang e tla bonwang teng gore batho ba akgele mo go yone go simolola ka August 2002 go ya go Labotlhano 31 January 2003
